national senior certificate mophato 12 › education › grade12_2009... · national senior...

12
MADUO: 120 NAKO: 2½ diura Pampiri e, e na le ditsebe di le 12. Kwalololo e ileditswe Phetla SETSWANA PUOTLALELETSO YA BOBEDI (SAL) PAMPIRI YA NTLHA (P1) NGWANAITSEELE 2009 NORTH WEST NATIONAL SENIOR CERTIFICATE MOPHATO 12

Upload: others

Post on 28-Jun-2020

36 views

Category:

Documents


0 download

TRANSCRIPT

Page 1: NATIONAL SENIOR CERTIFICATE MOPHATO 12 › education › Grade12_2009... · NATIONAL SENIOR CERTIFICATE MOPHATO 12. Setswana Puotlaleletso ya Bobedi (SAL)/P1 2 DoE/Ngwanaitseele 2009

MADUO: 120 NAKO: 2½ diura

Pampiri e, e na le ditsebe di le 12.

Kwalololo e ileditswe Phetla

SETSWANA PUOTLALELETSO YA BOBEDI (SAL)

PAMPIRI YA NTLHA (P1)

NGWANAITSEELE 2009

NORTH WEST

NATIONAL SENIOR CERTIFICATE

MOPHATO 12

Page 2: NATIONAL SENIOR CERTIFICATE MOPHATO 12 › education › Grade12_2009... · NATIONAL SENIOR CERTIFICATE MOPHATO 12. Setswana Puotlaleletso ya Bobedi (SAL)/P1 2 DoE/Ngwanaitseele 2009

Setswana Puotlaleletso ya Bobedi (SAL)/P1 2 DoE/Ngwanaitseele 2009 NSC

Kwalololo e ileditswe Phetla

DITAELO 1. Pampiri e, e na le dikarolo di le NNE: KAROLO YA A:

KAROLO YA B: KAROLO YA C: KAROLO YA D:

Tekatlhaloganyo Tshosobanyo Tiriso ya puo Dikgangkhutswe

(30) (10) (60) (20)

2. 3. 4. 5. 6.

Araba dipotso tsotlhe. Karolo nngwe le nngwe e simololwe mo tsebeng e ntšhwa, mme kwa bokhutlong jwa karolo moithuti a thalele. Tlogela mola mo magareng a dikarabo tsa gago. Kwala sentle ka mokwalo o o buisegang. Tlhokomela mopeleto le popego ya dipolelo.

Page 3: NATIONAL SENIOR CERTIFICATE MOPHATO 12 › education › Grade12_2009... · NATIONAL SENIOR CERTIFICATE MOPHATO 12. Setswana Puotlaleletso ya Bobedi (SAL)/P1 2 DoE/Ngwanaitseele 2009

Setswana Puotlaleletso ya Bobedi (SAL)/P1 3 DoE/Ngwanaitseele 2009 NSC

Kwalololo e ileditswe Phetla

KAROLO YA A: TEKATLHALOGANYO POTSO 1 1.1 Buisa temana e e latelang, mme morago o arabe dipotso. E rile fa se fitlha mo Mafikeng Bareki a pagologa a ya go emela se se yang

kwa Gauteng. Owaii! Kwa ntle ga tshenyo epe ya nako se bo se setse se itelekela, a palama. Sa ema metsotswana e se kae sa bo se setse se tloga. Sa lala se rwele masigo ka tlhogo se gopotse Gauteng. E rile fa mphatlhalatsane a tlhaga, terena ya kua go bolelela balaodi ba tsona gore e a goroga. Bareki a itse gore jaanong ke nako. A ntsha tlhogo gore a bone bokgakala jo bo setseng gore e fitlhe kwa seteišeneng. Fela o ne a le pelo pedi, gore a ke a ye go dula kwa go Motsei kgotsa a boele kwa go Tshukudu. E rile fa ura ya botlhano e itaya, sa bo se setse se gorogile, a pagologa. A ya go tshwara ditekisi tse di yang kwa Naledi, fela o ne a setse a feditse le mogopolo gore o ya go dula kwa ga Motsei. Fa a goroga a fitlhela go se na batho, ka a ne a sa kwala kgotsa go loma mogala, go itsise Motsei fa a le mo tseleng. A fitlhela go lotletswe, fela o ne a kgona go bula ka maano a sa site. A baya morwalo wa gagwe sentle, mme ka a ne a le tlalakgologolo a itirela dijo a ja. Fa a sena go udubatsa sejana se o neng a jela mo go sona, a tsenelela ntlo a e phepafatsa gore e be e sale e phatsima. E rile fa Motsei a boa kwa tirong a fitlhela Bareki a phepafaditse ntlo e bile a apeile. Bareki o ne a itumela thata fa a bona nkokoagwe. Morago ga matsogo le ditshego tse di neng di utlwiwa ke motho a feta le tsela, ga phuthololwa mofago ga jewa. Tse di neng di apeilwe tsa tsenngwa mo setsidifatsing go beelwa la ka moso. Bareki a bolelela nkokoagwe gore o tlile go dula le ena, a ba a mo itsise le gore o batla go boela sekolong go ya go tsweletsa dithuto tsa gagwe. Motsei o ne a se ka a ganana le puo ya ga Bareki, ka a ne a itse gore fa a ka gana Bareki a dula le nkokoagwe le sekolo a se boela, mme e ne ya re morago ga gore kgwedi ya ntlha e bolokwe, kutlobotlhoko yotlhe ya bo e setse e phaitswe mo go ena. O ne a tshela ka boitumelo jo bogolo le nkokoagwe. Le fa pelo e ne e tle e jele nala kwa go Kedibone, tiro ya lelapa yone o ne a sa e lebale. Manong a ja ka ditshika.

[Mahutsana a ga Bareki: MT Masita]

1.1.1 Bareki o ne a pagama setimela se se yang kwa kae morago ga go

fitlha kwa Mafikeng? (1)

1.1.2 Ke eng se se neng se dira gore Bareki a nne pelopedi? (2)

1.1.3 Nopola motlhala mo temeng o o supang gore setimela sa Gauteng

se letse se rwele masigo ka tlhogo. (2)

1.1.4 Ke ka ntlha ya eng fa Bareki a fitlhela go se batho mo lelapeng?

Naya mabaka a le mabedi. (2)

1.1.5 Nopola mafoko a le mabedi mo temaneng a a supang gore Bareki o

ne a tshwerwe ke tlala. (2)

Page 4: NATIONAL SENIOR CERTIFICATE MOPHATO 12 › education › Grade12_2009... · NATIONAL SENIOR CERTIFICATE MOPHATO 12. Setswana Puotlaleletso ya Bobedi (SAL)/P1 2 DoE/Ngwanaitseele 2009

Setswana Puotlaleletso ya Bobedi (SAL)/P1 4 DoE/Ngwanaitseele 2009 NSC

Kwalololo e ileditswe Phetla

1.1.6 Tlhopha dikarabo tse di nepagetseng mo go tse di neetsweng.

Batho ba thusana go ya ka masika a bona/A gopotse go etela Kedibone/Bana ba motho ga ba a tshwanela go thusana.

(a) Pelo e ja nala.

(b) Manong a ja ka ditshika.

(2) (2)

1.1.7 Ke moputso ofe o mogolo o Bareki a ka o itumelelang fa a nna

lenkokoagwe? (2)

1.2 Leba setshwantsho se se latelang, mme morago o arabe dipotso. [Segarona: EE Pooe le ba ba bangwe] 1.2.1 Go diragetse eng ka ngwana yo o mo setshwantshong? (1) 1.2.2 Dikotsi tsa molelo di diragala gantsi mo pakeng efe ya ngwaga? (1) 1.2.3 Go ya ka wena ke ka ntlha ya eng banna ba, ba tshaba? (2) 1.2.4 Tlhalosa gore mosadi yo o mo setshwantshong o leka go dira eng? (2) 1.2.5 Ke dieedi dife tse di ka tlhotlheletsang go tuka ga molelo? Fa di le

pedi fela. (2)

1.2.6 Re ka dira eng go leka go fokotsa dikotsi tse di ntseng jaana

segolo mo baneng? (2)

1.2.7 Go tshwanetswe ga dirwa eng ka batsadi ba ba tlogelang bana ba

bannye ba le esi mo matlong? (2)

1.2.8 Araba ka ''Ee'', kgotsa ''Nnyaya'', mme o tshegetse ka lebaka.

Lefelo le le bontshitsweng mo setshwantshong se, le bontsha le sireletsegile.

(3)

PALOGOTLHE YA KAROLO YA A: 30

Page 5: NATIONAL SENIOR CERTIFICATE MOPHATO 12 › education › Grade12_2009... · NATIONAL SENIOR CERTIFICATE MOPHATO 12. Setswana Puotlaleletso ya Bobedi (SAL)/P1 2 DoE/Ngwanaitseele 2009

Setswana Puotlaleletso ya Bobedi (SAL)/P1 5 DoE/Ngwanaitseele 2009 NSC

Kwalololo e ileditswe Phetla

KAROLO YA B: TSHOSOBANYO POTSO 2 Buisa temana e e latelang ka kelotlhoko, morago o e sosobanye ka dintlha di le supa ka mafoko a gago mme bokao bo se fetoge. Netefatsa gore o akareditse dintlhakgolo le molaetsa wa yona. Boleele e nne mafoko a a ka nnang 50 – 60.

A o kile wa kgaotsa go akanya ka ga mefuta e mentsi ya dikotsi tse di re potapotileng mo magaeng a rona. Go makatsa thata go bona dilo tse dintsi tse di tlhametsweng polokego le boiketlo ba rona e le tsona tse di ka re gobatsang kgotsa tsa re bolaya. Dikotsi tsa fa gae ke tsona tse go tlwaelegileng e le lebaka la dintsho mo baneng ba bannye. Dilo dingwe tse di ka re gobatsang fa gae di akaretsa dilo tse di phepafatsang tsa lelapa, melemo le dijalo. Metšhini le dilekanyi ke dingwe tsa metswedi ya dikotsi. Re ka gobadiwa gape ke diotlwana le ditshamekisi tsa fa gae. Se se boifisang bogolo ke fa batho ba bangwe ba ka nna kotsi mo magaeng a rona. Didirisiwa tsa go phepafatsa fa lapeng di diretswe go re thusa go phepafatsa magae le go a tshola a itekanetse. Dilo tse dingwe jaaka molora wa meno le segagatsi di nna kotsi fa di ka metswa. Gantsi didirisiwa di tla le ditaelo gore di dirisiwe ka tlhokomelo. Fa ditaelo di latelwa sentle didirisiwa ga di kitla di nna kotsi. Didirisiwa di ka nna kotsi thata fa di diriswa botlhaswa. Parafene e ka nna kotsi fa ngwana a ka e nwa. Se sengwe gape ke gore e ka tlhola molelo mo lolapeng. [Monate wa Setswana – EE Pooe]

PALOGOTLHE YA KAROLO YA B: 10

Page 6: NATIONAL SENIOR CERTIFICATE MOPHATO 12 › education › Grade12_2009... · NATIONAL SENIOR CERTIFICATE MOPHATO 12. Setswana Puotlaleletso ya Bobedi (SAL)/P1 2 DoE/Ngwanaitseele 2009

Setswana Puotlaleletso ya Bobedi (SAL)/P1 6 DoE/Ngwanaitseele 2009 NSC

Kwalololo e ileditswe Phetla

KAROLO YA C: TIRISO YA PUO POTSO 3 Buisa temana e e latelang, mme morago o arabe dipotso. Go ne go le losika longwe lwa ga Dira. Ba ne ba fetoga dira jaaka seboko sa bona. Bontsi jwa batho ba ba neng ba nna mo dipolotong ba ne ba humile, fela o sa itse gore bangwe ba humile ka tsela tse di ntseng jang? Ba ga Dira bona ba ne ba felelwa ke tiro ka bobedi ba bona. E ne e se batho bao ba rutegileng. Ka jalo, botshelo bo ne bo le bokete e le ruri ka gonne ba ne ba bitswa badidi ke bangwe ba ba humileng. Fela ba ne ba leka gore ba bone tiro. Ba ne ba na le bana ba le babedi, mosimane le mosetsana. Maina a bona e ne e le Orlando le Kerileng. Bana ba, ba ne ba tshela bokete thata, ka ntlha ya gore batsadi ba bone ga ba dire, e bile ga go madi ape a o a tsenang mo gae. Ba ne ba ya sekolong ka dinao, mme ba tsamaya lobaka lo lo leele. E ne e le bahutsana ba nta e motopo jaaka ba ne ba bidiwa. Fa e le baagisani nabo e ne e le barui, e bile ba na le ngwana a le esi fela, leina la gagwe e ne e le Bonolo. Bonolo o ne a le montle, dinala tsona di le metsi, a le botshwakga, a direlwa sengwe le sengwe seo a se batlang ka nako eo a e batlang. Mmaagwe Bonolo o ne a thapile mothusi mo ntlong a sa rate gore Bonolo a dire sepe. Sa gagwe e ne e le go itlhapisa a nne montle go phala Kerileng.

[Ga ke a mo Reetsa – T Khaole le ba bangwe]

3.1 Nyenyefatsa mafoko a a ntshofaditsweng ka mogatlana – ana, mme morago

o a dirise mo dipolelong.

3.1.1

3.1.2

Ke nako ya dikgang tsa ura ya bolesome. Ke lobaka ke sa mmone.

(2) (2)

3.2 Dirisa lebotsi ''jang'' mo polelong e o e itlhametseng. (2) 3.3 Fetolela polelo e e latelang mo kganetsong. Ba ne ba leka gore ba bone tiro. (1) 3.4 Dirisa letlhaodi le le thaletsweng mo polelong e o e itlhametseng. Ba ne ba na le bana ba babedi. (2) 3.5 Tlhopha leina la puo ya botshwantshi mo go tse o di neilweng mo

masakaneng.

(Tshwantshiso/Tshwantshanyo)

Ba ne ba fetoga dira jaaka seboko sa bona.

(2)

3.6 Lelatodi la lefoko ''badidi'' ke ''bahumi''. Naya malatodi a mafoko a a latelang,

mme morago o a dirise mo dipolelong tsa gago.

3.6.1

3.6.2

Telele Bokete

(2) (2)

Page 7: NATIONAL SENIOR CERTIFICATE MOPHATO 12 › education › Grade12_2009... · NATIONAL SENIOR CERTIFICATE MOPHATO 12. Setswana Puotlaleletso ya Bobedi (SAL)/P1 2 DoE/Ngwanaitseele 2009

Setswana Puotlaleletso ya Bobedi (SAL)/P1 7 DoE/Ngwanaitseele 2009 NSC

Kwalololo e ileditswe Phetla

3.7 Lebaganya ditlhaloso tse di mo go B le maele a a mo go A.

KHOLOMO YA A Maele

KHOLOMO YA B Ditlhaloso

3.7.1 3.7.2

Go nna modidi wa nta e e motopo. Go nna dinala tse di metsi.

A

B

C

Go nna motlapa. Go tsamaya thata. Go tlhoka/dila tota.

(2)

3.8 Naya bontsi jwa mafoko a a latelang: 3.8.1

3.8.2 3.8.3

Mosimane Sekolo Botshelo

(1) (1) (1)

3.9 Dirisa lekopanyi ''gore'' mo polelong e o e itlhametseng. (2)

[22] POTSO 4 Buisa temana e e latelang, mme morago o arabe dipotso.

Mareko a boela kwa go ene kwa morago. A kgalema ka lentswe le jaanong le neng le le magwata. ''Tsholetsa maoto a gago, Lukase!'' a goa. ''Wena Sipo, goga motho yo gore a se ka a re dia! Lebalang letsapa la lona lo lekele kwa pele! Re gaufi le thaba ya Tshukudu! Bosigo jono re tla goroga teng! Lukase! Tsoga, Lukase! Re tla tloga re goroga kwa thabeng ya Tshukudu!'' Letsatsi la phirima ba ise ba goroge kwa Thabatshukudu. Ba thibelela mo sekgweng. Ba gotsa molelo mme ba robala boroko jwa baswi gonne go ingwaya go ne go seyo, dinta di ne di šwele mo molelong wa go le maabane. Mareko a lora a tlhaselwa ke motho ka thipa. A phadimoga, mme mo go phadimogeng ga gagwe a bona motho yo mokima a eme fa go bone a sikere pokisi. Mareko a re: ''O mang?'' Lukase le Sipo ba phadimoga mo borokong, ba goga dipisitole mo dikgetseng tsa bone ba supa monna wa moeng ka tsone. ''Tsholetsa diatla! A tsholetsa diatla a sena go baya pokisi fa fatshe. ''Dula fa fatshe!'' A obamela. ''O tswa kae?'' Lukase a garuma. ''O batla eng fano?'' Sipo a botsa ka bogale e kete o kgantsha thata nngwe. Ka go ne go le bosigo, lesedi la molelo le ne le sa bonese thata, monna wa moeng o ne a gopola gore o ne a wetse mo diatleng tsa batho ba ba nonofileng, mme kgopolo eo ya rurifadiwa ke go bona dipisitole mo diatleng tsa bone'' di letile go mo tlosa mo lefatsheng leno go mo isa kwa lefatsheng la baswi. Monna wa moeng a re: ''Ke mokoloko, mongwe wa morafe o o ka fa tlase ga morafe o mogolo wa Bangologa o o sa bolong go re patika gobo re le bafaladi ba bone. Jaanong re lelefaletswe ke puso ya bone mme re ipaakanyetsa go dira ntwa ya legae go ikgolola mo go bone.

[Mokomaditlhare – LD Raditladi]

Page 8: NATIONAL SENIOR CERTIFICATE MOPHATO 12 › education › Grade12_2009... · NATIONAL SENIOR CERTIFICATE MOPHATO 12. Setswana Puotlaleletso ya Bobedi (SAL)/P1 2 DoE/Ngwanaitseele 2009

Setswana Puotlaleletso ya Bobedi (SAL)/P1 8 DoE/Ngwanaitseele 2009 NSC

Kwalololo e ileditswe Phetla

4.1 Naya mefuta ya matlhalosi a a kwadilweng ka bontsho jo bo tseneletseng. 4.1.1 Mareko a boela kwa go ena kwa morago. (1) 4.1.2 Bosigo jono re tla goroga teng. (1) 4.2 Dirisa lefoko ''loga'' gabedi mo dipolelong go bontsha bokao jo bo

farologaneng.

(4) 4.3 Naya makaelagongwe a mafoko a a latelang mme morago o a dirise mo

dipolelong tse o di itlhametseng.

4.3.1 Dula (2)

4.3.2 Phirima (2)

4.4 Fetolela polelo e e latelang mo kganetsong. Ba gotsa molelo. (2) 4.5 Polelo e e latelang e mo modirisong ofe? Tsholetsa diatla. (2) 4.6 Maemedi a a thaletsweng ke a mofuta ofe? Tlhopha karabo e e nepagetseng

mo masakaneng.

4.6.1 Ba supa monna wa moeng ka tsona. (leemeditota, leemeditho) (1)

4.6.2 Dipisitole mo diatleng tsa bona di letile go mo tlosa. (leemeditota,

leemeditho)

(1) 4.7 Dirisa lerui ''ga gagwe'' mo polelong e o e itlhametseng. (2)

[18]

Page 9: NATIONAL SENIOR CERTIFICATE MOPHATO 12 › education › Grade12_2009... · NATIONAL SENIOR CERTIFICATE MOPHATO 12. Setswana Puotlaleletso ya Bobedi (SAL)/P1 2 DoE/Ngwanaitseele 2009

Setswana Puotlaleletso ya Bobedi (SAL)/P1 9 DoE/Ngwanaitseele 2009 NSC

Kwalololo e ileditswe Phetla

POTSO 5 Leba setshwantsho se se latelang, mme o arabe dipotso.

[Kuyasa – EZ Ndlela] 5.1 Ke ka ntlha ya eng fa ditlhaka ''tshotlako'' di kwadilwe ka mokwalo o mogolo. (2) 5.2 Matshwaopuiso a a mo setshwantshong a kaya eng? (2) 5.3 Tlhalosa gore letshwao le le aroganyang setshwantsho ka bogare le dirisitswe

go kaya eng?

(2) 5.4 A o dumelana le ntlha ya gore setshwantsho se, se sekametse mo

letlhakoreng le le lengwe? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka.

(2) 5.5 Ngwana yo o mo setshwantshong a ka thusiwa jang? (2)

[10] POTSO 6 Siamisa temana e e latelang ka go tsenya matshwao a puiso le go baakanya mopeleto o o fosagetseng.

E rile monageng a bua le banna a re: a lo raya gore lo botlhale ba gakgamala go utlwa a bua jalo mongwe yo o neng a itidi maletse a tswa molomo a bua ka bogale a rototse matlho a mmolelela se mmaagwe o se jeleng ka tlala. Go tloga motsing oo monageng a itse gore fa go twe motho ga a itsiwe go tewa eng.

[Motimedi – DP Moloto]

[10]

PALOGOTLHE YA KAROLO YA C: 60

Page 10: NATIONAL SENIOR CERTIFICATE MOPHATO 12 › education › Grade12_2009... · NATIONAL SENIOR CERTIFICATE MOPHATO 12. Setswana Puotlaleletso ya Bobedi (SAL)/P1 2 DoE/Ngwanaitseele 2009

Setswana Puotlaleletso ya Bobedi (SAL)/P1 10 DoE/Ngwanaitseele 2009 NSC

Kwalololo e ileditswe Phetla

KAROLO YA D: DIKGANKHUTSWE TSA FA ISONG – SA Moroke POTSO 7 Buisa temana e e latelang, mme morago o arabe dipotso. Fa basimane ba Batswana ba bina, ba opela, batho ba a leba ba tshege. Tlabu a se ka a rata go salela morago ka tiro e a tshwanetseng go e dira. Metsotso e metlhano ga e a ka ya feta mme a bo a setse a tshotse lemepe mo seatleng. Mme ya re go ise go fete motsotswana, a bo a setse a latlhetse lemepe fa fatshe mme a taboga jaaka ntšhwe, motshitshi wa dinotshe o opela mo godimo ga tlhogo ya gagwe. O ne a di foka ka diatla jaaka e kete o opedisa khwaere ya diopedi tsa dinotshe. Di ne di mo tlhaba mo tlhogong, di mo tlhaba mo mokotleng, di mo tlhaba mo magetleng, di mo tlhaba mo sefatlhegong. Fa basimane ba Batswana ba lela, basadi ba a goa. Basadi ba babedi ba ba neng ba le mo mmotorokareng ba goa thata. Ba nanoga, ba phamola ngwana, ba siela mo mmotorokareng, fa ba bona Tlabu a tla a sikere mokgweleo wa dinotshe mo mokotleng. Mosimane a fitlha a leka go bula mojako wa mmotorokara mme a fitlhela o lotletswe. A potologa mmotorokara gabedi a ntse a lela. Ya re fa a bona kobo e basadi ba neng ba e adile fa fatshe, a huhumela ka fa tlase ga yona mme a didimala a re tu! A utlwa notshe e mo tlhaba mo seretheng mme a hunyetsa leoto jaaka khudu e hunyela ka fa tlase ga logapo la yona fa e utlwa ntšwa e bogola. Dinotshe tsa boela morago di tlogetse mabolelo a tsona mo moriring le mo mokotleng wa ga Tlabu, e le tuelo ya boganka le go gana go reetsa kgakololo ya ga mmaagwe le ya morutabana. E rile fa basadi ba bonaTlabu a sa tshikinyege, yo mongwe wa bona a botsa, 'A mosimane o sule?' A pagologa mo mmotorokareng, a apola kobo, mme Tlabu a betsega a siela gae. 7.1 Fa temana e setlhogo se se maleba. (2) 7.2 Ke kgakololo efe ya ga mmaagwe Tlabu le morutabana e Tlabu a ganneng go

e reetsa.

(2) 7.3 Go ya ga ga Motshwari le Tlabu kwa letamong go tlhodile tiragalo efe? (2) 7.4 Go ya ka rraagwe Tlabu, ke eng se se dirang gore dinotshe di se ka tsa nna

kotsi?

(2) 7.5 A o utlwela Tlabu botlhoko ka se se mo diragaletseng? Tshegetsa. (2) 7.6 Mamepe a dinotshe a na le tswine (e e monate, e e seng monate). Tlhopha

karabo e e nepagetseng.

(2) 7.7 Ke eng se se neng se dira gore basadi ba nagane gore Tlabu o sule? (2) 7.8 Ke thuto efe e o ithutileng yona go tswa mo ditiragalong tsa khutshwe e? (2)

Page 11: NATIONAL SENIOR CERTIFICATE MOPHATO 12 › education › Grade12_2009... · NATIONAL SENIOR CERTIFICATE MOPHATO 12. Setswana Puotlaleletso ya Bobedi (SAL)/P1 2 DoE/Ngwanaitseele 2009

Setswana Puotlaleletso ya Bobedi (SAL)/P1 11 DoE/Ngwanaitseele 2009 NSC

Kwalololo e ileditswe Phetla

Mo go potso 7.9 go fitlha go 7.12 tlhopa karabo e e maleba go tswa mo go

tse o di neilweng.

7.9 Ke mang yo o neng a bina a opela? A

B C

Tlabu. Motshwari. Morutabana.

(1)

7.10 Go ya ka diteng tsa temana, fa basadi ba goa thata go raya gore: A

B C

Ba itumetse thata. Ba tshogile thata. Ga go karabo e e maleba.

(1)

7.11 Ke goreng basadi ba babedi ba lotletse mmotorokara wa bone? A

B C

Gore ba letlelele dinotshe go loma Tlabu. Gore ngwana a seke a tshamekela kwa ntle ga koloi. Go itshireletsa kgatlhanong le motshitshi wa dinotshe tse di neng di loma Tlabu.

(1)

7.12 Naya ntlha e e sedimosang semelo sa ga Motshwari. A

B C

O na le thamo e telele. O boi. O megagaru.

(1) [20]

KGOTSA

POTSO 8 Buisa temana e e latelang, mme morago o arabe dipotso. E ne e setse e le nako ya ura ya robedi mo bosigong fa Tlhapi a bula mojako a tsena mo gae, a tswa sekolong. A lapile, molomo wa gagwe o setlhafetse ka ntlha ya tlala le lenyora. A re 'Dumela, mma!' Marea a araba ka bogale, 'A ke yona nako ya gore o tsene mo gae o nanara jaaka phiri? Sekolo sa lona se tswa ka ura ya bobedi mo tshokologong ya letsatsi mme bona gore o goroga ka nako mang. Ke selo se se maswe gore ngwana wa sekolo a tsamae mo lefifing le lentshontsho la bosigo jaaka moloi.' Tlhapi a araba, 'Mma, tsweetswee, o seka wa lebala gore ke tsamaya dikilometara tse di robongwe go ya sekolong mo mosong, le tse di robongwe mo thapameng, ke sokologela gae malatsi a le matlhano ka beke nngwe le nngwe. Tsela e, ke e tsamaya ka mpa e e lolea le ka magalapa a a omileng, mo mogoteng wa letsatsi.' A didimala, mme a tsaya sego sa metsi, a nwa. 'Gompieno le nna ke a bona gore ke fitlhile mo gae morago ga nako, mme ke na le tlhaloso.'

Page 12: NATIONAL SENIOR CERTIFICATE MOPHATO 12 › education › Grade12_2009... · NATIONAL SENIOR CERTIFICATE MOPHATO 12. Setswana Puotlaleletso ya Bobedi (SAL)/P1 2 DoE/Ngwanaitseele 2009

Setswana Puotlaleletso ya Bobedi (SAL)/P1 12 DoE/Ngwanaitseele 2009 NSC

Kwalololo e ileditswe

'Tloga fa! O na le tlhaloso e o e boneng kwa ga mang? Maaka ga a kitla a go thusa ka sepe gonne a ka se ka a sokolola letsatsi a le busetsa kwa morago. A ka seka a fetola bosigo gore bo nne motshegare. Ga go na nako e mo go yona o tleng o tlhoke maaka a o lekang go khurumetsa boleo jwa gago ka ona. Ka kgwedi e e fetileng o gorogile ka ura ya bosupa mo bosigong mme wa bolela gore morutabana o ne a lo laetse gore lo lete ngaka gore e tle go lo enta mme le fa go ntse jalo o ka seke wa ntshupetsa matshwao a kento mo mmeleng wa gago. Ka beke e e fetileng le gona o fitlhile bosigo mo gae mme wa re lo no lo ile phitlhong ya mosimane mongwe wa sekolo sa lona yo o neng a tlhagetswe ke kotsi ya go thulwa ke mmotorokara a le mo baesekeleng, a tswa sekolong. E rile ka letsatsi le le tlhatlhamang wa fitlha bosigo gape mme wa bolela gore morutabana o ne a lo tlhalosetsa dipalo tse di neng di lo palela. A o itse gore dilo tsotlhe tse, ke di kwadile mo mogopolong wa me ka enke e e sa phimogeng? Gompieno o diilwe ke eng?'

8.1 Temana e, e bua ka ga eng? (2) 8.2 Puisano e e fa godimo e tlhodilwe ke eng? (2) 8.3 Tlhapi o tlile thari gakae go ya ka tlhaloso ya ga mmaagwe, o sa tsenyeletse

go tla thari ga motsi oo?

(2) 8.4 Naya mabaka a le mararo a Tlhapi a neng a a tlhalosetsa mmaagwe mo

makgetlong fa a ne a tlile thari.

(6) 8.5 Ke eng se se neng se gakgamatsa mmaagwe Tlhapi mo lebakeng la ntlha le

Tlhapi a le neetseng?

(2) 8.6 Tlhapi o ne a tsamaya dikilometara tse kae go ya sekolong le go boa? (2) 8.7 Rraagwe Tlhapi ke mang? (1) 8.8 Ke mang o rraagwe Tlhapi a neng a ile go mmotsa gore Tlhapi o ile kae fa

sekolo se tswa?

(1) 8.9 Naya dilo tse pedi tse Tlhapi a kayang fa di supa motlhala wa thokolosi. (2)

[20]

PALOGOTLHE YA KAROLO YA D: 20

PALOGOTLHE: 120